Tshepo Gaerupe ke mokwadi, mmoki le rrakgwebo. O tshotswe le go golela kwa motseng wa Ganyesa mo porofenseng ya Bokone Bophirima. O tsene sekolo kwa Tong Comprehensive Secondary School, mme morago a tsweletsa dithuto tsa gagwe kwa UNISA kwa a ithutseng dithuto tsa Tlhaeletsano. Ke mosimolodi le motlhotlhi wa lekwalo la Our Voice le le tlhagisiwang mo mafaratlhatlheng. O dirile kwa Revival FM e leng seyalemowa sa sekeresete kwa porofenseng ya Kapa Bokone. O na le lerato la go direla bašwa le setšhaba e bile o dira seo ka go rotloetsa le botlhatlheledi. Lerato la go tsweletsa setšhaba ke lona le dirileng gore a simolole Our Voice go bapatsa dikgwebopotlana le dikgang tsa setšhaba. Ke mofenyi wa dikabo tse di mmalwa ka ntlha ya talente ya gagwe ya bokwadi, e leng selo se se mo kgontshitseng go dira le mekgatlho ya tsa botaki le botsweretsi. Maboko a gagwe a ne a phasaladiwa mo dibukeng di tshwana le buka ya kokwaanyo ya maboko ya Sol Plaatje European Union ka ngwaga wa 2016 le 2019, FUNDZA le Avbob: I’ wish I’d said. Ka ngwaga wa 2017 o ne a fenya loeto lwa thuto go ya Tanzania ka ntlha ya go fenya kgaisano ya bakwadi ya SOMAFCO Trust Uhuru Africa Initiative. Ke moithuti wa tsa tlhaeletsano kwa Yunibesiting ya Aforikaborwa. Ka ngwaga wa 2019 o ne a fenya kgaisano ya borrakgwebo ba ba thuthugang ya Business Partners SME Toolkit SA Young Aspiring Entrepreneurs Business Plan Award. Ka 2020 a tlhophiwa go tsenela thuto tsa boeteledipele le kgwebo tsa YALI, gape a tlhophiwa jaaka moemedi wa World Literacy Foundation mo Aforikaborwa. Ke mongwe wa bakwadi ba Via Afrika Publishers ba thulaganyo ya Write Publish Read ba 2021.